Polelo ya Maaforikanere

Polelo ya Afrikaner ke eng

Maaforikanere ke baagi ba setso ba banni ba naga ya Afrika. Kontinente eno e nnile legae la rona mo makgolong a dingwaga a a mmalwa a a fetileng. Ka lebaka leno, re batla go direla isagwe e e gololesegileng, e e babalesegileng le e e tswelelang pele ya ditlogolo tsa rona mo ntlheng eno e e kwa borwa jwa Afrika. Re batla go buisana le go dira le baagi ba bangwe mo Afrika Borwa ka moya wa go anaanelwa le go tlotliwa go senka ditharabololo tsa mathata a mantsi a a tshosetsang isagwe ya rona e re e kopanetseng. Gape, re batla go tsenya seatla mo tlhabololong ya ikonomi ya loago ya Afrika.

Naga ya rona e na le motlha o o fetileng o o raraaneng.  Go nnile le dikgotlhang tse di masisi gareng ga baagi, mme ka jalo Maaforikanere a tsaya masisi fela thata maitemogelo a batho bantsho a motlha o o fetileng. Jaanong bothata mo nageng bo re pateletsa go aga pono ya isagwe e e maatlafetseng go na le akanya thata ka motlha wa rona o o fetileng. Ke boammaaruri gore gangwe le gape, re tshwanetse go gadima kwa morago, mme gone e le gore re dire tswelelopele re tshwanetse go tlhoma matlho mo loetong lo lo letseng kwa pele kwa isagweng.  Re se itetle go ngangisana thata ka dilo tse di diragetseng mo motlheng wa rona o o fetileng go ya bokgakaleng jwa gore re bo re senya isagwe. Ka lebaka leno, re tshwanetse go agelela mo godimo ga dikao tsa dikamano tse di molemo le go tshwarisana gareng ga ditlhopha tse di farologaneng tse di nnileng gone mo motlheng o o fetileng.

Kgangkgolo ke gore Maaforikanere a eletsa go kgona go tshela ka kgololesego, a babalesegile le go tswelela pele a tshela mmogo le baagi ba bangwe mo Afrika Borwa, gape ka go dira jalo a tsenya seatla mo go atlegeng ga baagi ba bangwe.

Karabo ka boripana ke gore re tlhoka gore dilo di boele sekeng gape, ka sekai, mokgatlho wa batho o o ka thusang go netefatsa isagwe e e tsweletseng pele ya mongwe le mongwe. Ka bokhutshwane re batla go umaka maikemisetso a motheo a go tlhoma mokgatlho wa batho o o ntseng jalo.

Polelo ya Maaforikanere

01.

Maaforikanere ke baagi ba setso le banni ba Afrika

Ga re a goroga mono mo Afrika jaaka Maaforikanere. Makgolo a dingwaga a a fetileng, borremogolwane ba rona ba gorogile mono ba tswa kwa dinageng tse di farologaneng tsa Yuropa, ba fetoga go nna Maaforikanere mono, kgale pele Afrika Borwa e ka tsholwa go nna naga. Puo le setso sa rona di tlholegile teng fa mo Afrika. Re ithaile leina, puo ya rona le ditheo tsa rona ka Seafrika.  Maaforikanere ke baagi ba setso se se ikemetseng se le nosi – ke batho – e seng fela setlhopha se se buang puo e e rileng kgotsa setlhopha sa lotso lo lo rileng. Gape, re remelela mo go reng ka puo ya Seafrikanse re seoposengwe ka ntlha ya puo ya rona le bontsi jwa Maafrika Borwa a bammala (“mmala o o tshetlha”), mmogo le palo e e bonalang ya batho ba bangwe ba baagi ba Maafrika Borwa. Re tlotla ditso tse dingwe tsa baagi ba ba buang Seafrikanse, le go dirisana le bone, mme tota go bua boammaruri re ntse re dirisana le bone le go dira le bone go le mo nakong e e fetileng mo dikgannyeng tsotlhe tse di maleba. Re na le ngwao ya Bokeresete jwa Bophirima le go dumela mo ditsholofetsong tsa Modimo tsa tshepo ya isagwe, segolobogolo mo dinakong tse di thata, maikaelelo a puso ga a bolo go itumelela tshegetso e e maatla ya Maaforikanere, a tota a kayang gore re batla go dira le go dirisa ditshwetso tsa rona tsa baagi ba rona.

02.

Re batla go nna mo nageng eno le go tsenya seatla mo go atlegeng ga naga le batho botlhe ba yone

Re tlhatswegile pelo gore re na le isagwe mo nageng eno. Ka lone lebaka leno, re batla go thusa go tlhamela Maafrokanse maemo a ba tla tshelang le go tswela pele ka tsela e e nnelang ruri. Gape, seno se dira gore re kgone go tsenya seatla thata mo go atlegeng ga baagi ba bangwe. Gape, re kgaratlhela go boloka dikamano le Maaforikanere a a phatlhaletseng le lefatshe le go ba rotloetsa gore ba inaakanye le dikgang tse di amanang le baagi ba Maafrika Borwa. Re hutsafadiwa ke ntlha ya gore Maaforikanere mmogo le rona a ile a patelesega go fuduga a sa rate ka ntlha ya gobo a sa tlhole a bona isagwe epe mo nageng eno.

03.

Tirisanommogo ka ntlha ya kgololesego, pabalesego le tswelelopele ya mongwe le mongwe

Re dumela gore go na le dilo di le dintsi tse di kopanyang baagi ba naga go na le tse di re kgaoganyang. Lefa gone ka metlha re sa bone dilo ka go tshwana, re na le dikgatlhego tsa motheo tse di tshwanang jaaka naga e e dirang sentle le mokgatlho wa batho o o itekanetseng o mo go one mongwe le mongwe a nang le tshono go aga isagwe e e botoka. Kafa letlhakoreng je lengwe, re ikaeletse go aga baagi ba ba kitlaneng gareng ga Maaforikanere, mme kafa go je lengwe re ikaeletse go tlhagolela dikamano le baagi botlhe ba Afrika Borwa go thusa go fitlhelela botshelo jo bo tswelelang mo bathong botlhe.

Maaforikanere ke baagi ba ba rulagantsweng sentle mme ba kopa gore ba newe sebaka le tshono go tsenya seatla tebang le go itepatepanya le mathata a Afrika Borwa a ga jaana a re mekamekaneng nao. Re dumela gore tirisanommogo gareng ga baagi, go na le tshukatshukano ya sepolotiki, e le yone fela tharabololo mo dikamanong tsa setso tse di molemo.

04.

Re ikaeletse go nna mo nageng eno

Matshelo a baagi a setso a ba tshelang mo go one le ditheo tse ba tlhokang go tshela ka tsone gore ba tswelele ba tshela le kafa setso sa bone se fetisediwang kwa pele ka gone go ya kwa dikokomaneng tse dingwe. Ke ka foo re agang motheo wa setso, mafelo a bonno, diiso le magae, le ditheo tse di tla re kgontshang go tshela mo Afrika Borwa. Boikaelelo jwa “kgotla eno ya setso” ga se jwa go itlhaola mo baaging ba bangwe, mme tota ke go dira gore re tswele pele le go tshela re iphaphathile le batho ba bangwe mo Afrika e e mo ntlheng ya borwa.

05.

Kgololesego ya setso ke maemo a kgololesego ya temokrasi

Fa re tlhoka kgololesego ya setso, re tla fengwa ke dipalo tsa bontsi jwa batho mo matshelong otlhe a rona. Seno se ka bo sa ama dikgang tsa motheo tse di amanang le go falola ga rona jaaka morafe. Go fengwa ke palo ya bontsi jwa batho fela ka ntlha ya gobo dipalo tsa rona di le kwa tlase, seno tota se ganana le molaotheo wa temokrasi.  Kgololesego ya temokrasi e ka fitlhelelwa fela fa kgololesego ya setso e netefadiwa jaaka kgato ya ntlha ya botlhokwa ya go falola ga rona.

Ka mokgwa o o tshwanang, kgololesego ya setso ke kgato ya ntlha ya loleme lwa ga mme, e bong Seafrikanse, go tswelela lo tshela jaaka puo e e buegang.

Go lemoga kgololesego ya setso e e amanang le dibopego tsa ditshwanelo tsa setso le maemo ke itumelela boemo jwa tiro e e lekalekanang ya ditshwanelo tsa rona ka bonosi. Go tlhoka tshiamelo eno, ditshwanelo tsa rona ka bonosi ya dipalo tsa bontsi jwa batho di tla nyeletsa ditshwanelo tsa rona ka bonosi tsa dipalo tsa setso tse di kwa tlase tsa bosetšhaba.

Ditheo tsa rona tsa setso, jaaka dikolo, diunibhesiti, mekgatlho ya babereki le mekgatlho e mengwe jalo, di bulela makgotla a a ntseng jalo jaaka magae a a dirisiwang ke baagi botlhe a rona. Go ya ka maitemogelo a rona, mafelo ano ka metlha a tlhaselwa ka tsela ya sepolotiki le go bewa kafa tlase kgatelelo e e seng kana ka sepe ke melawana le pholisi ya puso. Ka lebaka leno, re eletsa gore rona kafa tlase ga boipuso jwa setso, re netefatse gore re latlhela tlhware logonyana mo dikgannyeng tsa puso, le go kgona go itumelela kgololesego ya setso ya temokrasi e e nnelang ruri.   Mo re ka kgonang go tsenya seatle teng mo botshelong jwa setso sa rona go se na matsapa ape ka ditheo tsa rona, seo se tla re tlhofofaletsa go ikopanya le baagi ba bangwe, mme ka tsela eo re tsweletse tirisanommogo.

06.

Re dumalana le kgang ya gore baagi botlhe ba lekana ka botho

Re dumalana le kgang ya gore baagi botlhe ba lekana ka botho jaaka ntlha ya motheo ya go nna le seabe sa gore rotlhe re tshwarisane kgetsi eno ya tsie. Re iteba jaaka re lekana le batho ba bangwe, re se bagolo mo go bone kgotsa re le kwa tlase ga baagi ba bangwe. Re tshwanelwa ke ditshiamelo tsotlhe, mafelo le bokgoni tse ditso tsa baagi ba bangwe ba di ipelelang, tse di akaretsang (a) mafelo a setso. Ga re kope sepe se se sa tlwaelegang. Molao wa boditšhabatšhaba le Molaotheo wa Afrika Borwa le one o na le molawana ono.

Re dumalana le melao ya go tsweletsa dikgato tsa ditshono tse di lekanang tsa batho botlhe, mme fela re ganana le go tsweletsa pele melao ya tlhaolele go dira gore Maaforikanere a lebege jaaka baagi ba ba ganelwang ka ditshwanelo tsa bone, mme kwa bofelong re bo re nna le boagi jo sa lekaneng. Selo seno se ka hupetsa bokgoni jwa Maaforikanere go tlhama ditiro le go a kgoromeletsa kwa ntle mo ditshonong tsa go tsenya seatla mo go tlhatloseng le go tlhabolola naga le batho ba yone botlhe. Gape, mo mabakeng a le mantsi, go tshwenyana le dikgato tseno tsa lotso go dirile gore dikgwebo tsa baagi le dikgwebopotlana di koafale mme ka maswabi di tsweleditse pele bonweenwee. Go fedisa dikgato tseno go tla thusa go fokotsa maatla a a kganelang go gola ga ikonomi mme go tla tsenya seatla mo go reng ka kakaretso baagi ba itemogele molemo. Melawana ya tlhaolele e e amang palo e nnye ya basha ba Maaforikanere ga e dire pharologanyo ya sepe mo palong ya bontsi jo bogolo jwa basha ba batho bantsho. Puso e e nang le tlhaolele ga e tsamaisane le temokrasi ya molaotheo, puso e e dirang sentle le ikonomi e e golang.

07.

Dilo tse di diragetseng mo motlheng o o fetileng di se re senyetse isagwe ya rona rotlhe

Seane se re baagi botlhe ba itsaya jaaka pinagare ya lefatshe le go ikwalela histori ya bone jaaka setori sa fa gare sa lefatshe. Gape, seno se dira mo diponong tse di farologaneng tsa baagi ba Afrika Borwa kaga histori ya bone, e bong sone selo seo se ka re kgaoganyang mo go maswe. Re dumela go sa ntse go na le makgaritlha a motlha o o fetileng wa rona o o raraaneng  le boswa jwa histori ya dikgotlhang. Gape, re ikwatlhaela nnete ya gore dikao tse di tlhotlheletsang tsa tirisanommogo gareng ga baagi ba Afrika Borwa mo motlheng o o fetileng di lebetswe gompieno. Lefa go ntse jalo, makoko a nako e e fetileng a se tswelediwe pele ka tsela eo e tla senyang isagwe ya rona e e kopanetsweng. Ka gone, re tshwanetse go agelela mo dikaong tsa histori tsa tirisanommogo ya baagi, mme gone re sa iphoufaletse histori ya dikgotlhang ya motlha o o fetileng.

Ga re kake ra fetola se se diragetseng kwa motlheng o o fetileng, mme gone re ka dirisana mmogo go mekamekana le mathata a re lebaneng le one gompieno. Bana ba rona ga ba kitla ba otlhaelwa dilo tse di diragetseng pele ba tsholwa, mme ntekwane baeteledipele ba puso bone ba sa tshwanela go ikarabelela ka se ba se dirang gompieno.

08.

Molaotheo o dumela gore baagi ba eletsa go nna le sebata sa naga ya bone

Fela jaaka mo baaging bangwe le bangwe, gantsi palo ya bontsi jwa batho ga e dumalane ka botlalo gore baagi ba tlhoka eng gore ba tswelele pele. Lefa go ntse jalo, fa temokrasi ya rona e ntse e gola, netefatsa gore ga go tlhokege gore motho a ganetse sengwe le sengwe se motho a farologanang le sone le batho ba bangwe. Palo e kgolo ya Maaforikanere e tshegetsa mokgele wa temokrasi ya setso e e ikemetseng ka nosi ya Maaforikanere mo Afrika Borwa. Gape, go na setlhopha se segolo se se nang le maikutlo a gore – – go dumalana le ngwao ya puso – kgololesego ya setso e e se nang le sebata sa naga ga e kaye sepe. Lemororo, lekoko le le busang le Molaotheo le lemoga keletso eno, go bua nnete gore seno se diragadiwe ga se motlhofo. Ke ka ntlha e re tlhokang tharabololo ya sepolotiki go baakanya kgang eno. Karolo ya tharabololo e ka nna gore baagi ba segelwe dikgaolo tsa setso tsa lefatshe, tse di batlang di tshwana le tsa baagi ba bangwe mo nageng.

Molaotheo o bopa sebaka sa gore selo seno se ka diragadiwa go dirisiwa dibopego tse di farologaneng tsa go ikemela ka nosi. Palo e potlana ya bosetšhaba e ka se kgone go tswala setswalo sa mojako wa molaotheo gore se nne le go ikemela ka bosone, ka go dira jalo se tla bo se itsenya kafa tlase joko ya gore se ikaege ka palo ya bontsi jwa batho go ya go ile.

09.

Go nna seoposengwe lefa re farologane

Go agisana le go bopa setšhaba ga go kaye go dumalana le thulaganyo ya megopolo puso kgotsa bontsi jwa dipalo tsa batho. Histori e bontsha gore go latela tsela e e ntseng jalo go felela ka go kgaoganya go tsosolosa setso. Re dumela gore go farologana ga batho le lefelo ke tsela e e molemo ya go tsweletsa go nna seoposengwe sa bosetšhaba, go ikaegile ka go lemoga go farologana ga batho. Ga re tshegetse mogopolo wa gore go agisana go ikaegile ka go amogela pholisi ya puso ka palo ya bontsi ka gobo boikutlo joo bo tla bo sa dumalane le temokrasi gotlhelele le go ngotla tekatekano le go tlotla seriti sa batho.

10.

Go nna le seabe mo go direng ditshwetso tse di maleba tsa puso  

Jaaka re bua jaana, Maafrokanse a tswaletswe kwa ntle mo ditheong tsa setšhaba le go nna le seabe mo dikgannyeng tsa setso, jaaka mo ditheong tse di itsiweng tsa baagi ba setso. Go tshwanetse go nna le mekgwa ya puisano e ka yone Maaforikanere a ka latlhelang tlhware logonyana mo dikgannyeng tsa boemo jwa bosetšhaba tse di amang baagi ba rona le naga.

11.

Go maatlafadiwa ga ikonomi

Go botlhokwa gore go mekamekanwe le bohumanegi, botlhokatiro, bosenyi le dikgang tse dingwe tse di masisi tse di senyekang naga. Maaforikanere a eletsa go tsenya seatla mo go maatlafatseng ikonomi ya batho botlhe ba ba humanegileng.  Maaforikanere a dumela gore dithuto tsa gompieno di ka ithutiwa mo historing ya go tsholediwa ga ikonomi ya Maaforikanere mo motlheng o o fetileng le wa ga jaana.

12.

Tumalano ya setso

Ka ntlha ya boemo jwa rona jaaka batho ba palopotlana ya leruri, Maaforikanere a tswaletswe kwa ntle mo pusong go ya ka temokrasi. Ga a na mekgwa epe ya go buisana le puso kwa ntle fela ka go ya kwa dikgotlatshekelong, bobegakgang le megwanto ya phatlalatsa. Selo seno se baka dikgotlhang le go koafala ga dikamano. Tumalano ya setso e ka bopa mokgwa wa tlhaeletsano ka dikgang tse di masisi ka nako, go tsereganya ditumalano mo dikgannyeng tse di ntseng jalo le go tsosolosa le go aga go boikanyego. Tumalano e e ntseng jalo, bobotlana e tshwanetse go tlhomamisa gape ditshwanelo tsa setso tse di gone le mafelo tse di kwadilweng go Molaotheo le molao wa boditšhabatšhaba. Maiphako a Maaforikanere a go remelela ditshwanelo le dikgatlhego tsa bone go se lejwe jaaka go ipatlela go tshwarwa ka tsela e e kgethegileng.  Mafelo a a tshwailweng go Molaotheo, mmogo le mekgatlho e e tlhomilweng ya boditšhabatšhaba e e fanang ka ditshwanelo tsa setso sa baagi le go tlama dinaga go di diragatsa, a botlhokwa mo go rona. Seno se akaretsa tshwanelo ya gore setso sa baagi se dumelelwe go nna gone; tshwanelo ya ditheo tse batho ba setso se se rileng sa baagi ba ka tshelang ka yone le kwa senthareng ya dilo tsa boswa di ka bolokwang gone; tshwanelo ya go tlhabolola mafelo a setso; thebolo mo melaong e e sokameng e e ka kgoreletsang go itumelela dikgatlhego tseno tse di siameng.

Re dumela gore re tlhomamisitse ditshiamelo rona tsa motheo, mmogo le gore go tlhokegang go netefatsa gore re nna mono le go aga naga ya rona. Ka gone mono, re tlhomamisa maikutlo a rona a mmatota jaaka Maafrika Borwa.